1261Sefela sa go ya Tempeleng.
E rile Morena a fetola
tatlhego ya Sione,
ra tshwana le ba ba lorang.
2Foo melomo ya rona
e ne ya tlala setshego,
le diteme tsa rona tuduetso.
Foo go ne go buiwa mo ditšhabeng
go twe:
“Morena o ba diretse
dilo tse dikgolo.”
3Morena o re diretse
dilo tse dikgolo, ra itumela.
4Morena, fetola tatlhego ya rona
jaaka dinokana tsa kwa borwa.
5Ba ba jwalang ka dikeledi,
ba tla roba ka tuduetso.
6Ba a tle ba ye ba gase peo
ba ntse ba lela,
mme ba boe ka tuduetso
ba tshotse dingata tsa bona.