41Jaanong nna ke le mogolegwi mo Moreneng, ke lo kaela gore lo tsamae ka fa go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yona
2ka boikokobetso jotlhe le bonolo le bopelotelele le ka go itshokelana mo loratong; 3lo tlhoafalele go boloka bongwefela jwa Mowa ka kopanyo ya kagiso: 4Ke mmele o le mongwe fela le Mowa o le mongwe fela, jaaka lo bileditswe mo tsholofelong e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona;
5ke Morena a le mongwe fela le tumelo e le nngwe fela le kolobetso e le nngwe fela;
6ke Modimo o le mongwe fela, one Rra botlhe; o godimo ga botlhe, o dira ka botlhe, o mo go botlhe.
7Mme mongwe le mongwe wa rona o neilwe neo ya bopelotlhomogi ka fa selekanyong se Keresete o nayang ka sona.
1 Bakor. 12:11
8Ke ka moo go tweng:
“O ne a tlhatlogela
kwa bogodimong,
a tshwara batho,
a ba isa botshwarong,
a naya batho dineo.”
Bakol. 2:15
17Jaanong ke bua jaana, e bile ke bolela ke le mosupi mo Moreneng ka re: Lo se tlhole lo tshela jaaka baheitane ba tshela mo boithamakong jwa maikutlo a bone;
18ba ba fifaditsweng tlhaloganyo, ba le kgakala le botshelo jo bo tswang Modimong ka ntlha ya go sa itseng a bone, ka ntlha ya logwadi lwa dipelo tsa bone,
19ba e reng ka ba latlhegetswe ke maikutlo a botho, ba ineela mo boitaolong, ba ntse ba dira tse di maswe tsotlhe ka bopelotshetlha.
20Mme lona, Keresete ga lo a ka lwa mo ithuta jalo, 21fa ruri lo mo utlwile, mme lo rutegile ka ene, jaaka boammaaruri bo le mo go Jesu, 22gore lo apole motho yo mogologolo yo o ntseng ka fa tsamaong ya pele, yo o senyegang ka dikeletso tsa tsietso,
Bakol. 3:9
Bagal. 6:8
23le gore lo ntšhwafadiwe mo meweng ya maikutlo a lona;
24mme lo apare motho yo mošwa yo o tlhodilweng ka fa Modimong mo tshiamong le mo boitshepong jwa boammaaruri.
25Ka moo apolang maaka, mme a mongwe le mongwe a bue boammaaruri le mongwe-ka-ene; ka gonne re direlana re le ditokololo.
26Galefang, mme lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se phirime, lo ntse lo galefile.
Jak. 1:19,20
27Le gona lo se ka lwa naya Diabolo sebaka. 28Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire matsapa ka go dira se se molemo ka mabogo a gagwe gore a nne le go ka fa yo o tlhokang.
29A go se tswe lefoko lepe le le maswe mo melomong ya lona; a go tswe fela le le agang ka fa go batlegang ka teng gore le tshegofatse ba ba le utlwang.
Bakol. 3:16,17
4:6
30Se hutsafatseng Mowa o o Boitshepo wa Modimo o lo kanetsweng letsatsi la kgololo ka ona.
Baef. 1:13
31A bogalaka jotlhe le kgakalo le bogale le komano le kgalo di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.
32Mme tsholanang ka bopelontle, lo utlwelane botlhoko, lo itshwarelane jaaka Modimo le ona o lo itshwaretse ka Keresete.
18:22-35
Bakol. 3:13